Open-access Katlego ya go tlwaelana le thuto ya godimo: Seabe sa boitshokelo le boitekanelo mo maitemogelong a baithuti ba ngwaga wa ntlha mo thutong ya godimo

Ngwaga wa ntlha wa yunibesiti o tshwaya paka ya diphetogo tse di potlakileng le tse gantsi di gwetlhang mo bašwang le mo bathong ba ba tlhabologang fa ba tlwaelana le botshelo jwa baithuti. Le fa kgato eno e itshupile e neelana ka maitemogelo a a siameng mo baithuting ba bangwe, e e lebisang kwa kgolong ya botho le ya seporofešenale, gape e amana thata le go tlhagelela le go oketsega ga mathata a boitekanelo jwa tlhaloganyo, gantsi ka ntlha ya dikgwetlho tse batho ba lebanang le tsone fa batho ba fudugela mo tikologong e ntšhwa e e fetogang. Go tšwa mo morerong wa patlisiso wa tlhaloso, thutopatlisiso e ne e ikemiseditse go bona tlhaloso ya maemo a baithuti ka ga boikanyego le botsogo jwa maikutlo le molemo wa yone mo go ikamaganyeng le maemo a maikutlo le tlhokego ya bona mo yunibesithing ya Aforika Borwa. Dipuisano di le tharo tsa setlhopha sa go tsepamisa mogopolo (VFGDs) di ne tsa tshwarwa le batsayakarolo ba baithuti ba ngwaga wa ntlha ba le 12. Tshedimosetso e ne ya sekasekwa ka go dirisa tlhatlhobo ya dikakanyo ka go simolola mo tlase (inductive thematic analysis). Dintlha tse pedi tsa konokono di ne tsa tlhalosiwa: (1) maatla a semelo; (2) boikutlo jwa go nna le seabe mo botshelong jwa gago. Ditlhogo tseno le ditlhogo tsa tsone di le thataro di ne di akaretsa metswedi ya ka fa gare le ya kwa ntle e e neng ya thusa baithuti go itlwaelana le boitekanelo mme kwa bofelong ba ba thusitse go tlwaelana le yunibesiti. Diphitlhelelo tsa thutopatlisiso eno di neelana ka tshedimosetso e e botlhokwa mo go tlhabololeng dipholisi tse dintšhwa le ditsereganyo tse di ikaeletseng go tokafatsa boitekanelo jwa baithuti ba yunibesiti ka nako ya phetogo.

Thuto ya Maemo a a kwa Godimo; boitsetsepelo; boitekanelo; go tlwaelana ga baithuti; patlisiso ya boleng


location_on
Journal of Student Affairs in Africa 7 Walmer Road, Woodstock, Cape Town, Western Cape, ZA, 7925, Tel: +27 83 350 5959 - E-mail: editor@africanminds.co.za
rss_feed Stay informed of issues for this journal through your RSS reader
Go to top