Open-access Baeteledipele ba baithuti ba ba nang le seabe go bopa kitso go ya kwa go tlhageng ga tlhabololo ya boeteledipele jwa bone: Porojeke ya go taka toro ya loago ya diyunibesiti tse dintsi

Abstract

Go akaretsa baeteledipele ba baithuti mo tlhamong ya kitso go tlhagisa tlhabololo ya boeteledipele jwa bona ke leano le le botlhokwa mo thutong ya go kopanya. Ka jalo, setlhogo seno se gatelela leano la go dira gore baeteledipele ba baithuti ba nne le seabe, ba nne botlhokwa mo tlhabololong e e ntseng jalo le ba ba tla solegelwang molemo ke yone, ba dirisa kitso ya bone e ba e boneng mo maitemogelong a bone a boeteledipele. Borutegi jwa go tsenyeletsa bo golaganya tiro ya dipatlisiso tsa borutegi le tiragatso ya seporofesenale, go tlhabolola tiragatso ya tlhabololo ya boeteledipele e e tsenyeleditsweng e e ikaegileng ka borutegi, e e tsenyeletsang baithuti. Baeteledipele ba baithuti ba Aforika Borwa ba ne ba tsaya karolo mo thutong ya go dira toro ya loago, ya diyunibesiti tse di farologaneng ba dirisa thulaganyo ya thuto ya tshekatsheko ya loago. Ka seno, maitemogelo a boeteledipele a ne a tlhagelela mo maemong a a sa lemotshegeng le a a lemotshegang a go itshupa. Go abelana ka ditlhopha le go tlhatlhanya go ba thusitse go lemoga le go sekaseka maitemogelo a bone a boeteledipele, le go senola le go sekaseka mafelo a a tlhokang go tlhabologa. Moeteledipele wa moithuti go nna le seabe mo maitemogelong a bona a boeteledipele jwa moithuti go bonala a tlhageletse mo tlhamong ya kitso ya bone ka ga tlhabololo ya bone. Maano a a neng a tlhagelela a ne a akaretsa go dirisana mmogo le go dira mmogo mo tlhabololong ya baeteledipele ba baithuti ka go dirisa leano le le kopaneng le go dirisa maatla a go nna le seabe ka bopelotlhomogi go rotloetsa tlhabololo ya baeteledipele ba baithuti. Ponelopele e, e akaretsa tirisanommogo magareng ga ditlhopha, seabe mo setlhopheng le mo maemong a mokgatlho, go dira le ditsamaiso tse di farologaneng tsa boeteledipele le kamogelo ya boeteledipele jwa baithuti mo maemong a setshaba, ka jalo go rotloetsa maitsholo a go tsenyeletsa ka go dirisa mekgwa ya borutegi. Dipatlisiso ka go dirisa toro ya loago e nonotsha dikopo tsa go amogela diporojeke tse di kopaneng tsa borutegi tse di tsamaelanang le maikaelelo a leano la yunibesiti e e maleba.

Patlisiso e e kopantsweng ya ntshokuno; boeteledipele; mekgwa e e tsentsweng tirisong ke baithuti; tlhabololo ya baithuti; borutegi jwa tsalano; go lora ka loago


location_on
Journal of Student Affairs in Africa 7 Walmer Road, Woodstock, Cape Town, Western Cape, ZA, 7925, Tel: +27 83 350 5959 - E-mail: editor@africanminds.co.za
rss_feed Acompañe los números de esta revista en su lector de RSS
Ir para arriba